Romans 13

Go obamela mmuso

1Obamelang mmuso, gonne o tlhomilwe ke Modimo, ga go na mmuso le fa e le kae o o sa tlhongwang ke Modimo go laola.

2Jalo ba ba ganang go obamela melao ya mmuso ba gana go obamela Modimo, mme kwatlhao e tlaa nna teng.

3Gonne lepodisi ga se setshosa mo go ba ba dirang tshiamo; mme ba ba dirang bosula ba tlaa aga ba le boifa. Jalo fa o sa batle go tshelela mo poifong, tshegetsa melao mme o tlaa tswelela sentle. 4Lepodise le romilwe ke Modimo go go thusa. Mme fa o dira sengwe se se bosula, ee, o tshwanetse go tshoga, gonne le tlaa go tshwara gore o otlhaiwe. Le rometswe ke Modimo go dira yone tiro eo. 5Obamela melao, mme ka ntlha ya mabaka a mabedi a: lebaka la ntlha ke go go dibela gore o seka wa otlhaiwa, mme lebaka la bobedi ke fela ka gore o itse gore o tshwanetse go o obamela.

6Duelang le makgetho a lona, ka ntlha ya one mabaka a mabedi a. Gonne badiredi ba mmuso ba tlhoka go duelwa gore ba tle ba nne ba tswelele ba dira tiro ya Modimo, ba lo direla.

7Duelang mongwe le mongwe ka se a tshwanetseng go duelwa ka sone: Duelang makgetho a lona ka boitumelo lo bo lo duele goromente makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng ka phuthologo, ikobeleng ba ba lo okametseng, lo bo lo tlotle ba ba tshwanetseng go tlotlwa,

Go ratana

8Duelang melato yotlhe fa e se fela molato wa lorato mo go ba bangwe, se khutlise go o duela! Gonne fa lo ba rata, lo tlaa bo lo obamela gotlhe ga melao ya Modimo, lo diragatsa tsotlhe tse di batlwang. 9Fa o rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata, ga o na go rata go mo utlwisa botlhoko kgotsa go mo tsietsa, kgotsa go mmolaya kgotsa go mo utswela. Gape ga o na go dira boleo le mosadi wa gagwe, kgotsa go batla se e leng sa gagwe, kgotsa go dira le fa e le eng se melao e e some e reng ga se a siama Yotlhe ka bosome jwa yone e akareditswe mo molaong o o reng, “Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.” 10Lorato ga lo direle ope bosula. Ke sone se e leng gore lo diragatsa gotlhe mo go batlwang ke Modimo. Ke one molao o le nosi fela o lo o tlhokang.

11Lebaka le lengwe la go tshela ka tlhamalalo ke le: lo itse gore nako e setse e fetile thata jang: nako e a fela. Tsogang, gonne go tla ga Morena go gautshwane jaanong, go na le jaaka re ne re dumela lwa ntlha. 12
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Baroma 13:13.
13
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Baroma 13:12-13.
Bosigo bo setse bo fetile, letsatsi la go bowa ga gagwe le tlaa tloga le goroga. Jalo latlhang ditiro tse di bosula tsa lefifi lo apare seaparo sa tshiamo sa go tshela ka tlhamalalo, jaaka rona ba re nnang mo leseding re tshwanetse go dira! Nnang molemo le boammaaruri mo go sengwe le sengwe se lo se dirang gore botlhe ba tle ba dumelane le maitseo a lona. Se diriseng nako ya lona mo medirong e e sa siamang, le mo go tagweng kgotsa mo kgokafalong le dithato tsa nama, kgotsa mo ntweng, kgotsa mo lefufeng.
14Mme kopang Morena Jesu go lo thusa go tshela jaaka lo tshwanetse, le gone lo se ka lwa etleeletsa nama go diragatsa dithato tsa yone.
Copyright information for TsnLEF